top of page

NTWA YA MELELWANE

NTWA YA MELELWANE, 1966-1990. NTWA YA MELELWANE YA AFORIKA BORWA E ITSIWE GAPE KA GORE KE NTWA YA BOIPUSO YA NAMIBIA KGOTSA NTWA YA DIKGWA YA ANGOLA. SEGOLOSEGOLO E NE E LE KGOTLHANG YA “ASYMMETRIC” E E DIRAGETSENG GO TLOGA KA 26 PHATWE 1966 MO NAMIBIYA (E KA NAKO EO E NENG E ITSAGALE KA AFORIKA BORWA-BOPHIRIMA), ZAMBIYA LE ANGOLA GO FITLHA KA 21 MOPITLWE 1990. ‘ASYMMETRIC WARFARE’ KE NTWA MAGARENG A BATLHOTLHELETSI BA NTWA BAO MATLA A / THATA YA BONE YA SESOLE E FAROLOGANANG THATA, KGOTSA BAO MAANO KGOTSA MATLHALE A BONA A FAPANENG THATA. GANTSI E MAGARENG GA SESOLE SE SE EMENG SA BAITSEANAPE LE MOKGATLHO WA BAFETOLEDI KGOTSA WA GO KGANETSO. GO LATELA TSAMAISO YA SESOLE EO E NENG DIRA KA NAKO EO, BADIRI BA GKSA BA NE BA NALE TIRO E E BOKETE LE YA BOTLHOKWA, GAPE BA NA LE BOIKARABELO BA GO TLHOKOMELA MASOLE MOWENG LE BENG BA MALAPA BONA MALAPENG. PONTSHENG GO NE GO NA LE BAKI EO E NENG E APARWA LE KEPISI E E NANG LE MATSHWAO A SESOLE SA MAKAPELANE SA TIRO.

bottom of page